ITSE DITSHWANELO TSA GAGO TSE DI MABAPI LE TIKOLOGO
DITSHWANELO TSA GAGO TSE DI MABAPI LE TIKOLOGO
Goreng tikologo e le botlhokwa mo go rona?
Fa re bua ka ga tikologo, re raya sengwe le sengwe se se re dikologileng, ke gore lefatshe, metsi, loapi, mafelo a a leng botlhokwa, dimela le botshelo jwa diphologolo se se tlhotlheletsang botshelo jwa batho le boiketlo.
Tikologo e re ama rotlhe. Rotlhe re tlhoka tikologo e e itekanetseng le e e bolokegileng, se se raya mowa o o phepa le metsi a a phepa, mafelo a bonno a a bolokegileng, le dijo tse di itekanetseng tse di lekaneng. Fa tikologo ya rona e tlotlololwa ka go leswefadiwa le ka tshenyo, rotlhe re a amega e bile re tsenwa ke malwetse. Batho ba ba humanegileng ke bona ba ba iphitlhelang ba le mo mathateng thata!
Rotlhe re lwela boleng jwa botshelo jo bo tokafetseng-jaanong le mo nakong e e tlang. Rotlhe re batla gore bana ba rona ba nne le ditšhono tse di botoka go tshela matshelo a a itumedisang e bile a itekanetse. Mo ntlheng e, re tlhoka tlhabololo ya ikonomi, ya bosiamisi jwa loago le tikologo e e itekanetseng e e siameng.
Mo tirisong se se raya gore:
ditikologo tsa rona tsa letsatsi le letsatsi tsa bonno le tsa kwa tirong di tshwanetse go tokafadiwa mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le phitlhelelo ya didirisiwa tsa lefatshe le tsa tlholego e e lekanang re tshwanetse go dirisa didirisiwa tsa rona tsa loago, tsa setso le tsa tlholego ka tsela e e siameng re tshwanetse go rotloetsa seabe sa baagi mabapi le ditshwetso tse di ka ga mokgwa o tikologo e dirisiwang ka teng.
Molaotheo
Molaotheo wa naga o netefatsa ditshwanelo tsa batho le go rebolela setšhaba ditheo tse di kaelang. Ditshwanelo le ditlamego tse di leng mo molaotheong ke tsa mongwe le mongwe mmogo le setšhaba sa Aforika Borwa. Re lesego mo Aforika Borwa, ka gonne fa go bapisiwa le dinaga tse dingwe, molaotheo wa rona o amogela fa tikologo e e itekanetseng e le tshwanelo ya batho e e botlhokwa.
Ditshwanelo tsa batho di nna le bokao fa fela rotlhe re amogela gore rotlhe re tshwanetse go dira gore di tle di fetoge nnete. Ka fa letlhakoreng le lengwe go raya gore puso e tshwanetse go latela ditheo tse di tlhagelelang mo molaotheong. Baagi le metsana, ka fa letlhakoreng le lengwe, ba tshwanetse go lopa gore ditshwanelo tsa bona di tlotliwe le go bontsha fa ba amogela maikarabelo a a tlhagisiwang ke ditshwanelo.
Fa ditshwanelo tsa gago di sa tlotliwe, o ka..
tlhagisa kgetse ya gago kwa kgotlatshekelong, isa ngongorego ya gago kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Batho, isa ngongorego ya gago kwa go Mosireletsi wa Setšhaba, fa e le gore ke puso e e amegang.
Ditshwanelo tsa gago tse di mabapi le tikologo ke dife mo molaotheong?
Molaotheo o netefatsha tshwanelo ya gago e e mabapi le...
TIKOLOGO E E SENG KOTSI MO BOITEKANELONG JWA GAGO KGOTSA E E SENG KOTSI MO BOIKETLONG JWA GAGO Karolo ya 24 a
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo e, e bile mongwe le mongwe a ka tsaya kgato ya semolao go sireletsa tshwanelo e.
Puso e tshwanetse go diragatsa tshwanelo ya molaotheo e e mabapi le go dira gore tikologo e sirelediwe ka go tsaya dikgato tsa tshireletso.
Puso e tshwanetse go thagisa melao e e thibelang go leswefadiwa le tshenyo ya tikologo, e e tokafatsang tshomarelo mmogo le e e lekalekanyang tlhabololo ya ikonomi, ya loago mmogo le ya tikologo. Puso e tshwanetse go netefatsa gore dikgato tse di maleba di a tsewa go sireletsa tikologo kgatlhanong le ditiro tse di kotsi tse di ka tlang ka tlhabololo ya loago le ya ikonomi, le fa tlhabololo ya loago le ya ikonomi e tlhokega.
Puso e dirile melao e mešwa go sireletsa tikologo. Go simolola ka 1998, Molao wa bosetšhaba wa Metsi o mošwa, Molao wa bosetšhaba wa jalo ya Dikgwa, Molao wa Didirisiwa tsa Ditshidi tsa ka fa Mawatleng mmogo le Molao wa bosetšhaba wa Taolo ya Tikologo e ne ya fetisiwa. Melao e mešwa e e mabapi le mmu, dimenerala, mowa o o phepa, leswefatso mmogo le taolo ya leswe e a tlhabololwa.
TEKATEKANYO MMOGO LE DIKGATO TSE DI KGETHEGILENG GO TLHOLA KGETHOLOLO E E SA SIAMANG (Karolo 9)
Kgethololo e e sa siamang e kgoreleditse batho ba bangwe gape ba ne ba dira mo ditikologong tse di neng di sa itekanela. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo e e mabapi le tekatekano ka maemo e e tlhokagalang go netefatsa bosiamisi jo bo ka ga tikologo.
BOSIAMISI JO BO KA GA TAOLO (Karolo 33)
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go sekaseka fa puso e tsaya ditshwetso tse di siameng, fa puso e reetsa dikeletso tsa batho pele ditshwetso di tsewa, fa puso e naya mabaka a a siameng le gore e rebola tharabololo ya dinongorego ka tiriso ya kgotlatshekelo e e ikemetseng.
PHITLHELELO E E TSWELELANG YA DITSHWANELO TSA BATHO (Karolo 7)
Ditshwanelo tsotlhe tse di tlhagelelang mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo di tshwanetse go tlotliwa le go sirelediwa. Fa ditshwanelo di ka se ke tsa fitlhelelwa ka bonako, dikgato di tshwanetse go tsewa go tsweletsa ditshwanelo mmogo le go fitlhelela phitlhelelo e e tswelelang.
Sekao se se mabapi le ka mo o ka dirisang ditshwanelo tsa gago tse di mabapi le tikologo ka teng
Sekao se se latelang se tlhalosa tiriso ya tshwanelo ya go:
lopa gore tikologo e tlhokomelwe gana go dira tiro e e ka kgotlelang tikologo bega ditiro tse di ka dirang gore tikologo e kgotlelege.
A re sekasekeng sekao se se mabapi le mokgatlho o mogolo o o rekisang sedirisiwa sa khemikhale se se le kotsi se se dirisiwang ke balemi-potlana kotsa kgwebo-potlana. Tiriso ya sedirisiwa se, e tlhola tshenyo ya tikologo, e puso e lopiwang go e phepafatsa.
Go ya ka NEMA, mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go lopa gore tikologo e phepafadiwe. Mo sekaong se, go raya gore mokgatlho o mogolo o tshwanetse go tsaya dikato tse di maleba go tila kgotsa go fokotsa tshenyo e e tlholwang ke tiriso ya sedirisiwa se se dirisiwang ke balemi kgotsa dikgwebo tse di se dirisang. Lebaka ke gore mokgatlho o mogolo o tle o kgone go sekaseka dikotsi gape o tle o kgone go tsiboga.
Ka fa tlase ga molao wa rona o o tlwaelegileng, maikarabelo a mokgatlho ga a tlhagelele sentle. Se, se ka dira gore mokgatlho o mogolo o falole maikarebelo a ona a molao. NEMA e fetola dilo tsotlhe-leloko lengwe le lengwe la setšhaba le ka dira kopo ya kgotlatshekelo go gatelela tshwanelo ya go lopa gore tikologo e tlhokomelwe.
Fa mongwe wa badiri ba kwa dipolaseng yo o dirisang sedirisiwa se se kotsi a dumela sentle gore se ka tlhola kotsi mo tikologong, o na le tshwanelo ya go gana go dira tiro e. NEMA e sireletsa badiri e bile e kaya fa ba ka se boniwe molato kotsa ba otlhaiwa ka go gana go dira tiro e e kotsi.
NEMA gape e naya badiri tshwanelo ya go bega tiro e e ka dirang gore tikologo e kgotlelege kwa lefapheng la puso kotsa kwa Palamenteng kwa ntle ga go tshoga gore ba ka otlhaiwa, ba kgadiepediwa kgotsa ba kobiwa mo tirong.
Dikgolagano tsa bosetšhaba le tsa porofense
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Batho
Kgetsana ya Poso X2700, Houghton 2041. Nomoro ya mogala 484 8300, Fekese 484 8403
Mosireletsi wa Bosetšhaba wa Setšhaba
Kgetsana ya Poso X677, Tshwane. Nomoro ya mogala 322 2915/6, Fekese 322 5093.
MPUMALANGA
Lefapha la Temothuo, Tshomarelo le Tikologo
Kgetsana ya Poso X11233, Nelspruit 1200. Nomoro ya mogala 759 4083, Fekese 759 4032.
KAPA BOTLHABA
Lefapha la tsa Merero ya Ikonomi, Tikologo le Bojanala
Kgetsana ya Poso X0054, Bisho 5606. Nomoro ya mogala 609 3218, Fekese 639 2002.
Lefapha la Bojanala, la tsa Merero ya Tikologo le Ikonomi
Lebokoso la PosoX264, Mangaung 9300. Nomoro ya mogala 403 3719, Fekese 403 3718.
Lefapha la Temothuo le tsa Merero ya Ikonomi
Kgetsana ya Poso X89, Ulundi 3838. Nomoro ya mogala 874 3291, Fekese 874 3293.
Lefapha la Matlotlo, tsa Merero ya Ikonomi, Bojanala le Tikologo
Kgetsana ya Poso X9486, Polokwane, 0700. Nomoro ya mogala 015 295 9300, Fekese 295 5819.
BOKONE BOPHIRIMA
Lefapha la Temothuo, Tshomarelo le Tikologo
Kgetsana ya Poso X2039, Mmabatho 2735. Nomoro ya mogala 389 5772, Fekese 389 5006.
Lefapha la Temothuo, Tshomarelo, tsa Merero ya Tikologo le tsa Lefatshe
Lebokoso la Poso X8769, Johannesburg 2000. Nomoro ya mogala 355 1900, Fekese 337 2292.
KAPA BOPHIRIMA
Lefapha la tsa Merero ya Tikologo le tsa Thulaganyo ya Tlhabololo
Kgetsana ya Poso X9086, Kapa 8000. Nomoro ya mogala 483 4643, Fekese 483 3211.
KAPA BOKONE
Lefapha la Temothuo, Tlhabololo ya Lefatshe, Tshomarelo le Tikologo
Kgetsana ya Poso X5018, Teemaneng 8300. Nomoro ya mogala 807 4800, Fekese 831 3530.
Molao wa Bosetšhaba wa Taolo ya Tikologo
Mo tlaleletsong ya molaotheo, re na gape le peomolao e e kgethegileng e e mabapi le tikologo mo Aforika Borwa, Molao wa Bosetšhaba wa Taolo ya Tikologo wa 1998 (NEMA). Molao o, o latela ditheo tsa molaotheo e bile o tlhalosa ka botlalo ditshwanelo tsa molaotheo.
TSHWANELO YA TLHABOLOLO E E TSHWELELANG (Karolo 2)
Rotlhe re na le tshwanelo ya tlhabololo e e tswelelang. Ka jalo, dintlha tse di botlhokwa tse di mabapi le tikologo di tshwanetse go sekasekiwa pele ditshwetso tse di ka ga tlhabololo di tsewa. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore puso e tlile go tsaya ditshwetso tse di maleba tse di rarabololang ditlhokego tsa batho gape le go netefatsa gore ditlhabololo tsa loago, tsa tikologo le tsa ikonomi di a tswelela.
Dintlha tse di mabapi le tikologo tse di tshwanetseng go elwa tlhoko di akaretsa:
go se kgoreletse dimela le ditshidi mmogo le dilwana tsa setso go se leswefatse le go se senye didirisiwa go nna le maikarabelo le kelotlhoko fa o dirisa didirisiwa fa e le gore ditiragatso ga di a tlhomama.
TSHWANELO YA GO BONIWA MABAPI LE DITSHEKATSHEKO TSA KUTLWALO (Karolo 2 le kgaolo 5)
Dikutlwalo tsa loago, tsa ikonomi le tsa tikologo tse di mabapi le ditiro, di tshwanetse go sekasekiwa gape batho ba ba amegang ba tshwanetse go boniwa pele ditshwetso di tsewa.
TSHWANELO YA GO NNA LE SEABE MO THARABOLOLONG YA DINGONGOREGO (Kgaolo 4)
Fa go na le ngongorego mabapi le tikologo, mongwe le mongwe a ka nna a botsa motsei-tshwetso go thapa mongwe yo o ikemetseng go batlisisa ngongorego le go nna monnasetulo wa dikopano kwa dikganetsano le dintlha di ka reediwang kwa teng.
TSHWANELO YA GO GANA GO DIRA TIRO E E KOTSI (Karolo 29)
Modiri a ka se boniwe molato kgotsa a otlhaiwa mabapi le go gana go dira tiro e modiri a dumelang sentle e tlile go tlhola kotsi mo tikologong.
MAIKARABELO MABAPI LE GO BEGA DILO TSE DI KA KGOTLELANG, SEGOLOBOGOLO DILO TSEDI KA KGOTLELANG TIKOLOGO (Karolo 31)
Modiri a ka se boniwe molato kgotsa a otlhaiwa mabapi le go bega se go dumelwang sentle e le se se ka kgotlelang tikologo kwa setheong sa setšhaba kgotsa mo kgatlhegelong ya setšhaba.
TSHWANELO YA TSHEDIMOSETSO (Karolo 31)
Puso e ka amogela tshedimosetso e e botlhokwa go diragatsa maikarabelo a yona a a mabapi le tikologo gape leloko lengwe le lengwe la setšhaba le ka amogela tshedimosetso e go tswa kwa pusong fa fela e ama dikgatlhego tsa setšhaba.
Se se raya gore ba ba nang le maikarabelo mabapi le kgotlelego ya tikologo, ya mmu, ya metsi kgotsa ya mowa kgotsa ba ba nang le maikarabelo a a lebaganeng le tshenyo e e kotsi ba letleletswe go bega ka ga se.
TSHWANELO YA GO LOPA GORE TIKOLOGO E TLHOKOMELWE (Karolo 28)
Batho botlhe ba tshwanetse go tlhokomela tikologo.
Mongwe le mongwe yo o kgotlelang tikologo o tshwanetse go tsaya dikgato tse di maleba go fokotsa le go siamisa kgotlelego e, le fa go tlhagisitswe ke molao.
Motlhankedi wa tikologo yo o nang le maikarabelo a ka laela mongwe le mongwe yo o kgotlelang tikologo go tsaya dikgato tsa go siamisa, fa motlhankedi yo o nang le maikarabelo a sa dire jalo, leloko lengwe le lengwe la setšhaba le ka dira kopo ya kgotlatshekelo go gatelela tiro e e mabapi le tlhokomelo ya tikologo.
KGATO YA SEMOLAO GO GATELELA MELAO E E MABAPI LE TIKOLOGO (Karolo ya 32 le 33)
Mongwe le mongwe yo o fisegang ka ga tshireletso ya tikologo a ka dira kopo ya kgotlatshekelo kgotsa a ka dira jaaka motšhotšhisi wa tsa bosenyi go gatelela ditshwanelo tse di mabapi le tikologo le melao,gape motho yo a ka busediwa ditshenyegelo tsa ditsamaiso tsa kgotlatshekelo.
Fa ditshwanelo tsa gago tsa molao di sa tlotliwe, o ka...
isa kgetse ya gago kwa kgotlatshekelo, kopa kgakololo kwa lephateng la Dikgongorego kwa Lefapheng la Merero ya tsa Tikologo le Bojanala, kopa setheo sa selegae sa kwa ga lona go thapa moletlanyi gape a ise ngongorego kwa maphodiseng, leletsa mogala o o sa duelelweng o o mabapi le tikologo wa tlhokaina e bile e le wa khupamarama o o latelang: 0800 116 110, kgotsa dirisa imeili e e latelang: environment@tip-offs.com.
